Read in English

Puso ya lefatshe la Botswana ntswa e le mo maitekong a go tlhama mokwalo oo laolang mabapi le dikgang tsa phetogo ya maemo a bosa, e ntse e eteletse maiteko a setshaba le mo lefatsheng ka bophara go thusa go tlhaloganya ditlamorago tsa phetogo ya maemo a bosa mo kgaolong ya borwa jwa Africa, tlhabololo ya matsipa a go fokotsa digase tse o oketsang mogote wa lefaufau, le go tokafatsa dikitso tsa go inaakanya le manokonoko a diphetogo tse di solofetsweng.

Le fa go le jalo, go diragatsa maitlamo a mokwalo oo laolang mabapi le dikgang tsa phetogo ya maemo a bosa go tla tlhoka go amanya boranyane jwa phetogo ya bosa le ipaakanyetso ya maemo a bosa a a sa iketlang mo ditogamaanong, tsamaiso ee lolameng ya ditsa-tlholego, didiriswa le dikago, botsogo jwa setshaba le go dirisa matsipa a a tlhabolotsweng go fokotsa digase tse di gotetsang lefaufau go tswa mo mehameng e e farologanyeng ya itsholelo. Lephata wa Phetogo ya Maemo a Bosa le Maemo a Bosa a a sa Iketlang e tla tlhama tsamaiso ee lolameng ya go tlhabolola botsipa/ dikitso ka dipatlisiso tse di itebagantseng le ditsamaiso tsa seemo se se fitlhelwang mo Botswana.

Lephata wa Phetogo ya Maemo a Bosa le Maemo a Bosa a a sa Iketlang e itebaganya le tse di latelang:
• Dipatlisiso tse di gwetlhiwang ke badirisi ba ditirelo: re itlama go lemoga le go dira dipatlisiso mo mehameng ee tlaa thusang go tsaya ditshwetso mo mohameng wa temothuo, botsogo le ba ditirelo tsa metsi go apapanya le maemo a bosa aa fetogang • Go neelana melaetsa: go tlaa neelanwa melaetsa le dikitso mabapi le go fetoga ga maemo a bosa, dikgwetlho, ditshono and dithabrabololo ka mokgwa yoo bonolo go tlhaloganngwa ke badirisi • Ditirelo: go tla agiwa le go tlhama methale e mesha le didiriswa go balelela le go thusa go anya ditshono tse di tsisiwang ke phetogo ya maemo a bosa le go fokotsa manokonoko.

Go tla dirwa dipatlisiso mo mehameng e akaretsa: Go lepa: methale e e tlhabolotsweng ya go lepa go thusa bogogi/ botsamaisi le b aba amegang go tlhaloganya gore seemo sa loapi mo Botswana se fetoga ka mokgwa yoo ntseng jang le ditlamorago tsa teng

Go lepa maemo a loapi: tlhama methale ya go tsaya dipatlisiso tsa tepo ya lefatshe ka bophara go di dira gore di thuse go dira dikanoko le melawana tse lebaneng seemo mo Botswana

Go abelela digase tse di gotetsang lefaufau: go tla tlhabololwa mekgwa e go abelelwang bokete jwa digase tse di gotetsang lefaufau, segolo jang go diriswa mabapi le ditiragalo tse di kgotlhelang tikologo mo sebakeng se sekhutshwane mme di na le kgonagalo e ntsi ya go gotetsa loapi le mehama e mengwe e go seng motlhofo go balelela bokete jwa kgotelo yay one jaaka wa temothuo, go boloka leswe le matlakala, le dikgwa.

Go fokotsa digase tse di gotetsang lefaufau: go tla kanokwa mekgwa e e farologanyeng e e tlhamilweng ka maikemisetso a go fokotsa kgotlelo ya tikologo ke mehama e farologanyeng ya itsholelo lefatshe ka bophara.

Go ipaakanyetsa maemo a bosa a a fetogang: go tshwanelwa go amanngwa maranyane a masha mo kanokong e e lebelelang kgonagalo ya phetogo ya maemo a loapi e e itebangnyang le mohama ka bongwe ka bongwe.

Manokonoko a phetogo ya loapi mo itsholelong le matshelo a batho le ditharabolo: Kanoka manokonoko a phetogo ya loapi le mekgwa ya go tlhama ditharabololo mo mehameng e e amanang jaaka itsholelo le pereko, dikgetho tsa baji-bareki, and tshiamo mabapi le dikgang tsa tlhokomelo ya tikologo.

Tirisanyo mo maitekong a go fokotsa kgotlelo ya loapi le manokonoko a a amanang: go tshanelwa go dirwa dipatlisiso tse di thusang Botswana go fokotsa kgotlelo ya loapi le go nna podi matsepa go ikemisetsa phetogo ya loapi, mme lefatshe le roba maduo a a tshwanang go nna le mohama wa temothuo yo o tsweletseng.